— <b>Dithulaganyo tse di dirisiwang fa go simolola porokeramo go tswa mo mokwalotaelong</b>

<big>F</big>a go simolola ka thulaganyo ya <tt>-v</tt> kgotsa <tt>--version</tt>, mofuta wa ga jaana wa Kickshaw o a bonatswa. Dithulaganyo tsa <tt>-h</tt> le <tt>--help</tt> di dirisiwa go bontsha tlhaloso ya ka foo o ka fitlhelelang fensetere e ya maele ka teng, e latelwa ke lenaneo la dithulaganyo tse di amogelwang.
Kickshaw e ka simololwa gape ka tsela ya faele ya menyu e le thulaganyo. Jaaka ntlha e nngwe, se se dira gore go kgonagale go bula difaele tsa menyu ka Kickshaw ka go dirisa menyu wa bokao mo ditsamaisi tsa faele.

— <b>Difaele tse di dirilweng ke Kickshaw</b>

<b>Tsa leruri</b>

Kickshaw e dira faele ya yona ya dithulaganyo ka leina la <tt>.kickshawrc</tt>, e e bonwang mo teng ga lenaneofaele la legae la modirisi.

<b>Tsa nakwana</b>

Mo tseleganyong nngwe le nngwe e e dirwang, faele ya mokoa wa go dirolola e dirwa mo teng ga <tt>/tmp/kickshaw.XXXXXX</tt> (di-X ke bonno jwa ditlhaka le dipalo tse di sa tlhomamang). Fa porokeramo e emisiwa ka go sa solofelwa, setsholadifaele se tla sala, mme se ga se a tshwanela go tshwenya ka gonne se na fela le difaele tse dinnye mme ka gale se tla phimolwa ka boitiriso bonnye ka nako ya go simolola sesha e e latelang.

Kickshaw e dira gape faele e e bolokilweng ka itiriso mo teng ga setsholadifaele sa legae ka leina la <tt>.kickshaw_autosave</tt>. E ntšhafadiwa morago ga tseleganyo nngwe le nngwe mme e a phimolwa fa porokeramo e tswaliwa. Fa Kickshaw e ne e emisitswe ka mokgwa o o sa tlwaelegang, ka tshimololo e e latelang ya porokeramo modirisi o botswa gore a a busetse menyu go tswa mo polokong ka itiriso kgotsa a phimole poloko ka itiriso.
